|
Showing 1 - 5 of
5 matches in All Departments
Winner - Maskew Miller Longman 2011 Literature Awards. Ke a go
utlwa, fela mong wa tiro e ke mang?' a ke mafoko a rraagwe
mosetsana fa a lemoga tiragalo e e diragetseng. Nyasha o tlogile
gae a tsewa ke tsala ya gagwe eo e neng e mo bonetse tiro kwa
Harare. Harare e ne ya mo bula matlho, a iponela lekgarebe. Aitse
motho ga a itsewe e se naga. Mosimane o rile go iphitlhela a le
esi, lekgarebe le ile go itsese kwa gaabolona fa le robegile leoto,
a rotola matlho le go kgatlhwa ke di kara tsa basetsana ba fa
Harare. Mosetsana go lemoga seo lekau le setseng le se dira fa le
ne le se teng, o iphutha le malawana go leba Aforika Borwa. Gonne
tau fa e iphutha le malawana ke mafaratlhatlha, mosetsana o
iphitlhela a latlhegetswe ke mawelane a gagwe. Go tlhoka go golela
mo lelapeng le le lengwe go tlhola tlhakantswike mme ditiragalo
tsotlhe tse di totobatsa potso e le nngwe fela, `Ke molato wa ga
mang?' Padi e, e e rokotsang e, ke ya ga S.S Mokua yo e leng ene
mofenyi wa Literature Awards mo ngwageng wa 2010. Barutwana ba tla
ithuta go le gontsi ka go nna le maikarabelo mo tsotlhe tseo ba di
dirang. "Baithuti ba tla itumelela go buisa padi e ka go na le
tiriso e e mebalabala, e e kgabileng ya `puo tsa Aforika tse di
jaaka Setswana sa Aforika Borwa le `puo dingwe tsa Zimbabwe. E
tlhagisa sentle kgolo ya batsaya karolo, go simolola mo tsalong ya
bona go tlha ba gola ba nna le malapa a bona." K M E Tlhabanyane,
moatlhodi wa MML Literature Awards Padi e e na le ditirwana tse di
tla thusang barutwana le barutabana go tlhelela ditheo tsa Pegelo
ya Pholisi ya Bosetshaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) ya
dikwalo. Nyasha moves to Harare for work and finds himself a
girlfriend. One night, having realised that Harare has more than
one beautiful girl, he decides to have an affair. This tears his
relationship with his girlfriend apart and she takes off to South
Africa with their twins. In South Africa, the twins get separated
from their mother, resulting in a chaotic situation where one is
left with the question 'Whose fault is it?' SS Mokua has published
15 publications that include poetry, drama, folklore and short
stories. "Learners will find it a pleasure reading this novel since
the author has used Setswana and a bit of other Zimbabwean
languages. It captures the upbringing of the characters, how they
allowed themselves to grow and became responsible parents." KME
Tlhabanyane.
O tshabe maemo! Bontsi bo a tle bo ikane gore fa bo ka neelwa
maemo, bo ka ikoba. Gantsi fa motho a simolola go ntsha tlhogo, a
neetswe maemo, a sotle batho ba ba mo thusitseng go bona maemo
ao.Life is full of surprises! People often say that if they could
be given good and respectable positions, they will behave in
suitably humble ways - but talk is cheap.
Dibuka tsa Setswana Tota ke motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo
ya Gae. Dibuka tse di kwaletswe barutwana ba puo ya Setswana ba
mophato wa 4, 5 le 6. Setswana Tota e na le dikarolo tse di
latelang: Buka ya Barutwana, Kaedi ya Morutabana le Buka ya go
Buisa. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa
dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo,
mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetshaba ya
Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke
barutbana ba ba nang le maitemogelo ba thusana le baitseanape ba
kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana
ka tse di latelang: E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo
kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go
lebelela, go kwala le go tlhagisa, popego ya puo le melawana ya
tiriso; Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya
le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe,
diathikele tsa makwalodikgang le go itirela bukatsatsi.Buka ya go
Buisa: Yona e tletse ka dikgang tse di monate tse di rotloetsang
barutwana go nna le kgatlhego ya go buisa. Barutwana ba tla
itumelela go buisa maboko, dikgangkhutshwe, dinaane, diterama le
dipadi. Buka e ya go buisa, e na le karolo ya tshedimosetso e e
buang ka dilo tse di amang matshelo a barutwana jaaka go tshela ka
boitekanelo, go ja dijo tse dii nonofisang, diponagalo le kalafi ya
malwetse a a rileng. Kaedi ya Morutabana; Ena le diteng tse di
tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana
tshedimosetso e e tseneletseng ka kharilhulamo le go mo kaela go
dirisa buka ya morutabana le buka ya go buisa. E tswa le
diphousetara tsa sesolo tse di kaelang barutwana ka go kwala
lekwalo la botsalano, go kwala tlhamo, go kwala temana le tse
dingwe.
|
You may like...
Red Mist
Ant Middleton
Paperback
R402
Discovery Miles 4 020
|