Kgomotso ga a kgone go itumelela malatsi a boikhutso segolobogolo
ka balelapa la gabo Keke ba fudugetse kgakajana. A re bogologolo o
ne a kgona go tsaya baesekele go ya go mmona. Rraagwe o mo fa tetla
ya go laletsa Keke. Kgomotso o itumetse mo go maswe. O mo kwalela
go mo laletsa. Keke o a tla. Kgomotso o golagana le Keke gangwe le
gape ka tiriso ya emeile le molaetsa ka selefounu. Ba tlotla ka
gale ka tiro ya sekolo segolobogolo ka ya botaki. Ba rata
barutabana, thata yo wa botaki. Rraagwe Kgomotso o tsalana le
morutabana yo o montshwa wa botaki, fela seno ga se itumedise
Kgomotso. Puiso ya Heinemann ya Go Buisa Go Bonolo ke motseletsele
wa dipadisi tsa Puo ya gae o o nang le terama, metlae, metlholo,
dimakatso le dikgangtota tsa moithuti wa Kgato ya Magareng.
Motseletsele ono o na le ditlhogo di le 20 go Mophato mongwe le
mongwe mme di rulagantswe go tswa go 1 go ya go 4. Motseletsele ono
o neela barutabana le baithuti mmogo mofuta wa didiriswa tsa go
buisa go rotloetsa dithuto tsa phaposiborutelo.
General
Is the information for this product incomplete, wrong or inappropriate?
Let us know about it.
Does this product have an incorrect or missing image?
Send us a new image.
Is this product missing categories?
Add more categories.
Review This Product
No reviews yet - be the first to create one!