Mo kgannyeng eno, o tla ithuta ka ga dikaka. O ithuta gape gore
dikaka ke eng, Di tlholegile jang. Go feta fao, o tla ithuta gore
ditshedi tsotlhe tse di nnang koo di tshela jang le gore sekaka e
bile se ka fokodiwa jang. Gape o tla ithuta ka ga ditiro tse di ka
fitlhelwang kgotsa tse di ka dirwang kwa dikakeng. Buisa o tle o
bone, gongwe o ka rata go ya go nna kwa sekakeng. Puiso ya
Heinemann ya Go Buisa Go Bonolo ke motseletsele wa dipadisi tsa Puo
ya gae o o nang le terama, metlae, metlholo, dimakatso le
dikgangtota tsa moithuti wa Kgato ya Magareng. Motseletsele ono o
na le ditlhogo di le 20 go Mophato mongwe le mongwe mme di
rulagantswe go tswa go 1 go ya go 4. Motseletsele ono o neela
barutabana le baithuti mmogo mofuta wa didiriswa tsa go buisa go
rotloetsa dithuto tsa phaposiborutelo.
General
Is the information for this product incomplete, wrong or inappropriate?
Let us know about it.
Does this product have an incorrect or missing image?
Send us a new image.
Is this product missing categories?
Add more categories.
Review This Product
No reviews yet - be the first to create one!