![]() |
![]() |
Your cart is empty |
||
Showing 1 - 1 of 1 matches in All Departments
Winner - Maskew Miller Longman 2015 Literature Awards. Buka eno e ka ga dikgwetlho tse bana ba tobanang le tsone. E bontsha tshegetso e motho yo a tobaneng le dikgwetlho tseno a ka e bonang go tswa mo batsading, ditsaleng le maloko a mangwe a setshaba. Tshidiso o tsoga a suma jaaka lebolobolo mme ga go ope yo a itseng gore matsapa di a tsaya kae. Mosadimogolo Tsetsana le morutabana Tabane mmogo le ditsala tsa ga Tshidiso ba swetsa go bona tharabololo ya matsapa a ga Tshidiso. Go na le ditiragalo di le dintsi tse di lobebe ebile di rokotsa mathe tse di lebisang kwa tshegetsong eo Tshidiso a e bonang gotswa kwa matlhakoreng a a farologaneng mme kwa bokhutlhong, Ngwana sejo o a tlhakanelwa ... Thatayaone Raymond Dire o belegetswe kwa Setlopo mo Mahikeng. Ke ngwana a le mongwe mo lelapeng la ga Dire. O tsene sekolo kwa Bakang Selebo Primary School, a tsweletsa dithuto tse dikgolwane kwa Setlopo Science and Commercial Secondary School, koo a weditseng lokwalo lwa gagwe lwa materiki. O na le lekwalo la Community Arts Administration and Management. Ga jaana o ithutela lokwalo lwa B.A in Indigenous Knowledge Systems mo Yunibesithing ya Bokone Bophirima. Ka ngwaga wa 2010 o ne a ithutela terama mo Mmabana. Thatayaone o nnile le seabe mo dikgatisong tse di latelang: Losaka la poko (Poko).; Via Afrika Grade 8 Setswana Puo ya Gae (Buka ya puiso).; Platinum Le Re Letlhabetse Grade 9 (Buka ya puiso).; Tswina ya Setswana (Ditlhamane).; Reetsa fa! (Dikgankhutswe).
|
![]() ![]() You may like...
Return to Glory! - The Mercedes 300 SL…
Robert Ackerson
Hardcover
The Testimony of the Exalted Jesus - The…
Sarah Underwood Dixon
Hardcover
R4,576
Discovery Miles 45 760
|